Ditshwanelo le Maikarabelo a Batsayakarolo ka Setswana

Molaotlhomo wa Ditshwanelo le Maikarabelo a Motsayakarolo  

Molaotlhomo wa Ditshwanelo le Maikarabelo a Batsayakarolo o kwadilwe lantlhantlha ka Seesemane ka 2003. O ne wa ntšhwafadiwa ka 2007. O fetoletswe mo dipuong di le mmalwa, tse di mo lenaaneng le le fa tlase. Fa o tsaya tshwetso ya go tsaya karolo mo thutopatlisisong ya HIV Vaccine Trials Network (HVTN), o tlaa fiwa khopi ya tokomane e ka nngwe ya dipuo tse, go ikaegile ka gore o tlhopha efe. Mafoko a a dirisitsweng mo tokomaneng e o e amogelang a ka nna a farologana go le gonnye le mafoko a a dirisitsweng fa tlase.

The Participants' Bill of Rights and Responbilities are available in the following languages:
Afrikaans | Bemba | ChichewaEnglish | Nyanja | Sepedi | ShonaSotho | Spanish | Swahili | TsongaXhosa | Zulu | French | Portuguese

Ditshwanelo

Jaaka motsayakarolo mo thutopatlisisong ya HVTN o na le tshwanelo ya go: 

  • Bolelelwa ka tshedimosetso yotlhe e e itsiweng, go akarediwa diphatsa le mesola e e ka kgonagalang ya go tsaya karolo mo thutopatlisisong, ka tsela e o ka e tlhaloganyang. O tla bolelelwa ka tshedimosetso epe e ntšhwa e go itsilweng ka yone ka nako ya thutopatlisiso.  
  • Gana go tsena mo thutopatlisisong kgotsa go tlogela thutopatlisiso ka nako epe. Gape o ka nna wa gana go tsenela dithutopatlisiso dipe tsa tatediso tse o di bolelelwang. Ga o na go latlhegelwa ke ditshwanelo dipe tse di umakilweng mo tokumenteng e fa o gana go tsena mo thutopatlisisong kgotsa o tlogela thutopatlisiso  
  • Nna le tikologo e e se nang kgethololo. Boikgethelo jwa gago ka sebele, dintlhatheo, ditumelo, le maitshetlego a setso a tla tlotliwa ke batho ba ba tshwereng thutopatlisiso.  
  • Romelwa kwa ditirelong tsa kgakololo le tshegetso tse di leng teng tebang le dikgang tse di amanang le thutopatlisiso le thibelo ya HIV.
  • Romelwa go fiwa ditirelo tsa kgakololo, tshegetso, bongaka, le kalafi tse di leng teng, ka ntlha ya malwetse a o a lwalang ka nako ya thutopatlisiso, go akarediwa HIV.   
  • Fiwa thuso ya go rarabolola mathata a loago a a amanang le thutopatlisiso le/kgotsa kgethololo. Ka tetla ya gago, re ka bua le batho ba o ka re kopang gore re ikgolaganye nabo go ba tlhalosetsa go le gontsi ka botsayakarolo jwa gago mo thutopatlisisong.
  • Alafelwa dikgobalo tsa mmele, fa di ka nna teng, go alafelwa kgobalo epe e go nang le kgonagalo e ntsi ya gore e amane thata le dikumo le ditsamaiso tsa thutopatlisiso go feta selo sepe se sele se se ka di bakang go fitlha fa selekanong se se tlhalositsweng mo foromong ya tumelelo ya thutopatlisiso. Go na le matlole a go duelela kalafo ya dikgobalo tse.  Setlhopha se se sekasekang merero ya polokesego ya thutopatlisiso se dira tlhomamiso ya tsalano. O ka nna wa dira gore tshwetso e sekasekwe gape fa o sa dumalane. Mo makgetlong mangwe, matlole a ka nna a se lekane go duelela kalafi yotlhe. Ditlhopha tse di nang le seabe mo thutopatlisisong di tla batla matlole a mangwe gape fa go ka tlhokega, mme fela ga di ka ke tsa a rurifatsa. Badiredi ba thutopatlisiso ba gago ba tla fa tshedimosetso e nngwe gape mo kganngeng eno e bile ba tla araba dipotso dipe tse o ka tswang o na le tsone kgotsa ba tla go golaganya le motho yo o siametseng thata go araba dipotso tsa gago.  
  • Tlhatlhobo e e sa duelelweng e bile e le e e nepagetseng ya tshwaetso ya HIV ka nako ya thutopatlisiso. Fa kwa bokhutlong jwa thutopatlisiso, o nna le dipholo tsa tlhatlhotlho ya HIV tse di kayang fa o na le HIV e e bakilweng ke mokento wa thutopatlisiso, mme e seng ke tshwaetso ya HIV, o ka nna wa amogela tlhatlhobo (teko) ya tatediso kwa tleliniking (bookelwaneng) ya thutopatlisiso go fitlhela teko e supa fa o sena mogare.                                          
  • Fiwa thuso ya go diragatsa maitlamo a thutopatlisiso. Lenane la dilo tse o ka nnang le tsone le tla fiwa ke lefelo la gago la thutopatlisiso.  
  • Nna le khupamarama. Ditlhaeletsano le direkoto tse di ka ga gago le botsayakarolo jwa gago mo thutopatlisisong di tla abalanwa fela fa go tlhokega go tshwara thutopatlisiso, kgotsa fa di batliwa ke molao.  Go itse tshedimosetso e nngwe gape, bona foromo ya tumelelo e e sedimoseditsweng ya lefelo la gago la thutopatlisiso.  
  • Fiwa karata ya boikao ya thutopatlisiso e e supang fa o le mo thutopatlisisong. Karata eno e e sa patelesegenge tla akaretsa nomoro ya mogala le/kgotsa aterese ya motho yo o ka fang tshedimosetso ya tlaleletso.    
  • Tshegetsa ditshwanelo tsa gago tsa semolao. Jaaka motsayakarolo wa tekeletso, ga o kgaphele kwa thoko ditshwanelo dipe tsa gago.
  • Bolelelwa gore a o amogetse placebo (molemo o o sa berekeng) kgotsa mokento fa thutopatlisiso e fela, kgotsa fa go tlhokafala ka ntlha ya mabaka a bongaka.  
  • Fiwa tshedimosetso ka ga tswelelopele ya thutopatlisiso, go bolelelwa gore dipholo tsa thutopatlisiso di tla nna teng leng, le go bolelelwa gore o ka itse jang ka ga diphelo

 

Maikarabelo

Jaaka motsayakarolo mo thutopatlisisong ya HVTN, o na le boikarabelo jwa go: 

  • Sekaseka le go supa gore o tlhaloganya mekwalo yotlhe e o e filweng, go akarediwa ditokumente tsa tumelelo e e sedimoseditsweng. Kopa tlhaloso ka tshedimosetso epe e o sa e tlhaloganyeng pele o dumela go tsaya karolo mo thutopatlisisong. Gape o ka nna wa botsa dipotso ka nako epe fa thutopatlisiso e ntse e tsweletse. 
  • Tsaya tshwetso e e nang le kitso e e ka ga gore a o tseye karolo mo thutopatlisisong eno morago ga go lekalekanya diphatsa le mesola. Go botlhokwa go itse gore thutopatlisiso e ka ga eng. Badiredi ba tla go thusa ka se. Fa go ka go thusa go tsaya tshwetso, bua le batho ba o ba tshepang e bile o ba tlotla ka ga gore a go go siametse gore o tsene mo thutopatlisisong.
  • Bolelela badiredi ba thutopatlisiso ka bonako jo bo kgonegang fa o ka itemogela kgethololo le/kgotsa kgobalo ya loago e o akanyang gore e ka tswa e amana le botsayakarolo jwa gago mo tekeletsong.
  • Se fe madi kgotsa go se abe dirwe kgotsa diedi tse dingwe tsa mmelwe ka nako ya thutopatlisiso.  
  • Direla diteko tsa gago tsa HIV fela kwa lefelong la thutopatlisiso fa fela thutopatlisiso e santse e le teng. Bua le badiredi ba thutopatlisiso fa o tshwanelwa ke go tlhatlhobelwa mo lefelong le sele.  
  • Fa o kgona go ima, tila boimana ka nako ya thutopatlisiso ka go dirisa mefuta ya thibelopelegi e e nonofileng. Badiredi ba tla sekaseka le wena mefuta ya taolo e e nonofileng ya lotsalo.  
  • Tshegetsa dinako le ditlha tse o di beetsweng. Bolelela badiredi ba thutopatlisiso ka bonako jo bo kgonegang fa o tlhoka go sutisetsa go sele ditlha kgotsa dinako tse o di beetsweng.  
  • Tshola badiredi ba thutopatlisiso ka tlotlo.  
  • Tshegetsa botsayakarolo jwa batho ba ba bangwe ba ba mo thutopatlisisong e le khupamarama.  
  • Naya badiredi ba thutopatlisiso tshedimosetso e e amanang le thutopatlisios e e feletseng e bile e nepagetse. Bolelela badiredi ba thutopatlisiso ka phetogo epe e ya dintlha tse go ka ikgolaganngwang le wena ka tsone kgotsa tshedimosetso ya boitekanelo.   
  • Latela ditaelo tsa badiredi ba thutopatlisiso ka bojotlhe jwa gago.  Dira mmogo le badiredi ba thutopatlisiso go tshegetsa boitekanelo le polokesego ya gago ka nako ya tekeletso.  
  • Bolelela badiredi ba thutopatlisiso ka bonako jo bo kgonegang fa o sa kgone go tswelela kgotsa fa o swetsa gore o emise botsayakarolo jwa gago mo thutopatlisisong.