Molaotlhomo Wa Ditshwanelo Le Maikarabelo (Bill of Rights and Responsibilities, BRR) Wa Patlisiso Ya HIV
Tokomane e e fa lenaane le le khutshwane la ditshwanelo le maikarabelo a o nang le one fa o tsaya karolo mo tekeletsong ya kalafi ya HIV Vaccine Trials Network (HVTN). Boikaelelo jwa Molaotlhomo o wa Ditshwanelo le Maikarabelo ke go thusa batsayakarolo ba patlisiso go ikemela ka bobone mmogo le badiredi ba thutopatlisiso. Bona foromo ya tumelelo e e nang le tshedimosetso ya thutopatlisiso go bona tshedimosetso go ya pele.
Ditshwanelo Tsa Motsayakarolo
Jaaka motsayakarolo mo thutopatlisisong e e amanang le HVTN HIV/AIDS, o na le tshwanelo ya:
- Go nna le tshedimosetso yotlhe e e itsiweng, go akaretsa dikotsi le mesola e e ka nnang teng fa o tsaya karolo mo thutopatlisisong, o e boleletswe ka tsela e o tlaa e tlhaloganyang. O tlaa bolelelwa tshedimosetso nngwe le nngwe e ntšhwa e e ithutiwang fa thutopatlisiso e ntse e tsweletse.
- Gore dipotso tsotlhe di arabiwe.
- Go gana go tsenela thutopatlisiso kgotsa go tsaya tshwetso ya go tswa mo thutopatlisisong nako nngwe le nngwe. Gape o ka gana go tsenela dithutopatlisiso dipe tsa tatediso tse o bolelelwang ka tsone. O ka se latlhegelwe ke ditshwanelo dipe tse go builweng ka tsone mo tokomaneng e fa o gana go tsenela thutopatlisiso kgotsa o tswa mo thutopatlisisong.
- Tikologo e e se nang kgethololo mo thutopatlisisong. Maitlhophelo a gago a sebele, dilo tse o di tsayang di le botlhokwa, ditumelo, le setso di tlaa tlotloiwa ke batho ba ba tsamaisang thutopatlisiso.
- Go romelwa go bona kgakololo e e leng teng, tshegetso, le ditirelo tsa kalafi go alafa malwetse a a go tshwarang mo thutopatlisisong, go akaretsa HIV.
- Thuso go rarabolola mathata a loago le/kgotsa kgethololo a a amanang le thutopatlisiso. Ka tetla ya gago, re ka bua le batho ba o re kopang gore re ikgolaganye le bone go tlhalosa go ya pele ka ga botsayakarolo jwa gago mo thutopatlisisong.
- Kalafi ya dikgobalo tsa mo mmeleng, fa di ka nna teng, go alafa kgobalo e go lebegang thata e e amana le dikumo tsa thutopatlisiso kgotsa ditsamaiso go na le tse di bakilweng ke mabaka a mangwe, go ya bokgakaleng jo bo tlhalosiwang mo foromong ya tumelelo ya thutopatlisiso. Go na le matlole a go duelela kalafi ya dikgobalo tse. Setlhopha se se sekasekang dikgang tsa pabalesego mo thutopatlisisong se tsaya tshwetso ka ga go amana ga tsone. Fa o sa dumalane o ka dira gore tshwetso e sekasekiwe gape. Mo maemong mangwe, matlole a ka nna a se ka a lekana go duelela kalafi ka botlalo. Ditlhopha tse di amegang mo thutopatlisisong di tlaa batla matlole a mangwe fa go tlhokega, mme re ka se tlhomamise se. Badiredi ba thutopatlisiso ya gago ba tlaa fa tshedimosetso go ya pele mo kgannyeng e e bile ba tlaa araba dipotso dingwe le dingwe tse o ka tswang o na le tsone kgotsa go go golaganya le motho yo o tshwanelegang thata go araba dipotso tsa gago.
- Diteko tsa mahala le tse di nepagetseng tsa tshwaetso ya HIV mo thutopatlisisong. Fa, kwa bokhutlong jwa thutopatlisiso, o na le teko e e bontshang gore o na le HIV e e bakilweng ke kumo ya thutopatlisiso mme e seng ke tshwaetso ya HIV, o ka dirwa teko ya tatediso kwa tleleniking ya thutopatlisiso kgotsa ke ba tirelo ya diteko ya HVTN go fitlha teko e bontsha gore ga o na tshwaetso.
- Thuso ya go dira tse di tlhokegang mo thutopatlisisong. Lefelo la gago la thutopatlisiso le tlaa go fa lenaane la dilwana tse o ka di fiwang.
- Khupamarama. Ditlhaeletsano le direkoto ka ga gago le botsayakarolo jwa gago mo thutopatlisisong di tlaa abelanwa fela fa go tlhokega go tsamaisa thutopatlisiso, kgotsa jaaka go tlhokega go ya ka molao. Bona foromo ya tumelelo e e nang le tshedimosetso ya lefelo la gago la thutopatlisiso go bona tshedimosetso go ya pele.
- Go fiwa karata ya boitshupo ya thutopatlisiso e e bontshang gore o mo thutopatlisisong. Karata e e o nnang le yone fa o rata e tlaa akaretsa nomoro ya mogala le/kgotsa aterese ya motho yo o ka fang tshedimosetso go ya pele.
- Go boloka ditshwanelo tsa gago tsa semolao. Jaaka motsayakarolo mo tekeletsong, ga o ga o latlhe dipe tsa ditshwanelo tsa gago.
- Go bolelelwa gore a o amogetse placebo kgotsa kumo e e nang molemo ya thutopatlisiso fa thutopatlisiso e khutla, kgotsa fa go tlhokega go ya ka tsa kalafi.
- Go fiwa tshedimosetso ya sešweng ya dithutopatlisiso, go bolelelwa fa dipholo di nna teng, le gore badiredi ba thutopatlisiso ba go bolelele ka dipholo tsa thutopatlisiso le go di go tlhalosetsa.
- Go itse gore a go na le ditshenyegelo tse di amanang le botsayakarolo le gore a o tlaa duelelwa botsayakarolo jwa gago.
Maikarabelo a Motsayakarolo
Jaaka motsayakarolo mo thutopatlisisong e e amanang le HVTN HIV/AIDS, o na le boikarabelo jwa:
- Go sekaseka le go bontsha gore o tlhaloganya dilwana tsotlhe tse o di filweng, go akaretsa ditokomane tsa tumelelo e e nang le tshedimosetso. Kopa tlhaloso ka ga tshedimosetso e o sa e tlhaloganyeng pele ga o dumela go tsaya karolo mo thutopatlisisong. Gape le wena o ka botsa dipotso nako nngwe le nngwe ka ga thutopatlisiso.
- Go tsaya tshwetso o na le tshedimosetso ka ga gore a o tseye karolo mo thutopatlisisong e morago ga go sekaseka dikotsi le mesola. Go botlhokwa go itse gore thutopatlisiso e ka ga eng. Badiri ba tlaa go thusa ka se. Fa go go thusa go tsaya tshwetso, bua le batho ba o ba ikanyang le ba o ba tlotlang ka ga gore a go tsenela thutopatlisiso go go siametse.
- Go bolelela badiredi ba thutopatlisiso ka bonako jo bo kgonegang fa o itemogela kgethololo le/kgotsa go sa tsewe sentle mo setšhabeng tse o akanyang gore di ka tswa di amana le go tsaya karolo ga gago mo thutopatlisisong.
- O se ka wa aba madi kgotsa dirwe tsa mmele kgotsa diedi tse dingwe tsa mmele mo thutopatlisisong.
- Go dira teko ya gago ya HIV fela kwa lefelong la thutopatlisiso fa thutopatlisiso e ntse e tsweletse. Bua le badiredi ba thutopatlisiso fa o tshwanetse go dira teko go sele.
- Fa o kgona go ima, tila boimana ka nako ya thutopatlisiso ka go dirisa mekgwa e e nonofileng ya thibelapelegi. Badiri ba tlaa sekaseka mekgwa e e nonofileng ya thibelapelegi le wena.
- Go nna teng kwa dipeelanong tsa gago tsa thutopatlisiso. Bolelela badiredi ba thutopatlisiso ka bonako jo bo kgonegang fa o tlhoka go rulaganya peelano sešwa.
- Go tshwara badiredi ba thutopatlisiso ka tlotlo.
- Go tshola botsayakarolo jwa ba bangwe mo thutopatlisisong e le khupamarama.
- Go fa badiredi ba thutopatlisiso tshedimosetso e e feletseng le e e nepagetseng e e amanang le thutopatlisiso. Bolelela badiredi ba thutopatlisiso ka diphetogo mo tshedimosetsong ya gago ya kgolagano kgotsa ya boitekanelo.
- Go latela ditaelo tsa badiredi ba thutopatlisiso ka bojotlhe jwa gago. Dira mmogo le badiredi ba thutopatlisiso go tlhokomela boitekanelo jwa gago le pabalesego mo tekeletsong.
- Go bolelela badiredi ba thutopatlisiso ka bonako jo bo kgonegang fa o sa kgone go tswelela kgotsa fa o tsaya tshwetso ya go emisa botsayakarolo jwa gago mo thutopatlisisong.
Maikarabelo a Badiredi ba Thutopatlisiso
Badiredi ba thutopatlisiso ya HVTN, go akaretsa Mmatlisisi Mogolo (PI) kwa tleleniking e ya thutopatlisiso, ba na le boikarabelo jwa:
- Go ikgolaganya le setšhaba sa mo lefelong ka dikgang tse di amanang le patlisiso le go netefatsa gore batsayakarolo ba emelwa ntle le go gobelelwa mo tekeletsong ya kalafi.
- Go ikarabelela mo balaoding ba patlisiso le go amogela ditaelo mo go bone, ba ba jaaka Boto ya Tshekatsheko ya Setheo (IRB) kgotsa komiti e e tshwanang ya tshekatsheko ya mai
- Go bona tumelelo e e nang le tshedimosetso mo batsayakarolong ya ditiro tsotlhe tse di amanang le patlisiso kgotsa ditsereganyo. Fa go na le diphetogo tse dikgolo mo thutopatlisisong, go tlaa bonwa tumelelo gape mo batsayakarolong ba ba ga jaana.
- Go tsamaisa thutopatlisiso ka mokgwa wa maitsholo a a siameng, go akaretsa go sireletsa ditshwanelo, khupamarama le boitekanelo jwa batsayakarolo mo thutopatlisisong. Kwa bokhutlong jwa thutopatlisiso, badiredi ba thutopatlisiso ba na le boikarabelo jwa go itsise batsayakarolo gore ke kumo efe e ba neng ba e amogela gammogo le go fa batsayakarolo le setšhaba dipholo tsa thutopatlisiso.
- Go go romela go bona kgakololo, ditirelo tsa thibelo ya HIV, ditirelo tsa kalafi ya HIV, le/kgotsa ditirelo tsa boitshwaro le loago fa di tlhokega mo thutopatlisisong.
- Go araba dipotso tsotlhe le matshwenyego a batsayakarolo ba thutopatlisiso ka nako.
- Go tshwara batsayakarolo ba thutopatlisiso ka tlotlo.